BOTO YA MELAWANA YA DIKGOTLATSHEKELO
MANYUALE GO YA KA KAROLO 14 YA MOLAO WA TSWELETSO YA PHITLHELELO YA TSHEDIMOSETSO, 2000 (MOLAO 2 WA 2000)
MATSENO
Go ya ka karolo 14 ya Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo ya Tshedimosetso, 2000 (Molao 2 wa 2000) motlhankedi wa tshedimosetso wa mokgatlho wa setšhaba o tshwanetse go rulaganya manyuale o o tshotseng tshedimosetso nngwe e e rileng o o kwadilweng bonyane ka dipuo tse tharo tsa semmuso.
Boto ya Melawana ya Dikgotlatshekelo (Boto) , e bona dithata tsa yona go tswa mo Molaong wa Boto ya Melawana ya Dikgotlatshekelo, 1985 Molao wa 1985 Molao. Boto ke mokgatlho wa setšhaba jaaka go tlhagisitswe mo (b)(ii) tlhaloso ya "mokgatlho wa setšhaba", e bong setheo se se diragatsang dithata tsa kgotsa se se dirang tiro ya setšhaba ya peomolao nngwe le nngwe. Ka jalo Boto e itlhokomeletse phitlhelelo ya direkhoto tsa yona.
SEBOPEGO LE MAIKARABELO A BOTO
Go tlhomiwa ga Boto
Boto e tlhomiwa go ya ka karolo 2 ya Molao.
SEBOPEGO SA BOTO
Go ya ka karolo 3 ya Molao, Boto e bopilwe ka maloko a a latelang a a supilweng ke Tona ya Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo:
a Moatlhodi wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo, Kgotlatshekelokgolo ya
Boikuelo e le monnasetulo.
b Moatlhodi kgotsa moatlhodi yo o rotseng tiro wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo, Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo jaaka motlatsa-monnasetulo.
c Magiseterata yo o supilweng go ya ka karolo 91a ya Molao wa Dikgotlatshekelo tsa Bommagiseterata, 1944 Molao 32 wa 1994
d Babueledi advocates ba ba bedi ba ba mo tirong.
e Diagente attorneys tse pedi tse di mo tirong.
f Motlhatlheledi wa molao kwa yunibesithing mo Rephaboliking.
g Motlhankedi wa Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo.
h Batho ba ba sa feteng tharo ka palo ba, go ya ka monagano wa Tona ya Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo, ba nang le bokgoni go dira jaaka maloko a Boto.
i Maloko a a refosanang tebang le diagente le babueledi ba ba dirang.
Dikomiti a Karolo 5 ya Molao e letla gore go tlhomiwe dikomiti tsa Boto. Go na le maphata a mabedi: dikomiti tse di supiwang ke Boto, mme e le maloko a Boto fela, le dikomiti tse di nang le maloko a Boto, ba ba supilweng ke Tona, ba e seng maloko a Boto. Maikaelelo a lephata la bobedi ke go dirisa bokgoni jwa batho ba e seng maloko a Boto le go netefatsa go nna le seabe ka tlhamalalo ga setšhaba mo ditirong tsa Boto.
b Dikomiti tsa Boto di dira ditiro tse ba di neetsweng ke Boto kgotsa ke Tona, mme ba laolwa ke Boto.
c Go tlhomilwe dikomiti tse di latelang:
i Komoti-khuduthamaga ii Komiti ya Ditshenyegelo iii Komiti ya Kgotlatshekelo-kgolo iv Komiti ya Dikgotlatshekelo tsa Bommagiseterata v Komiti ya Dikgtlatshekelo tsa Malapa vi Komiti ya Dithulaganyo tsa Melawana ya Diatemirale vii Komiti ya Diphetogo tsa Bosiamisi viii Komiti ya Tshedimosetso ka Thekenoloji
Maatla a Diboto a Go ya ka karolo 6 ya Molao,Boto e filwe dithata, ka maikaelelo a tiragatso e e bokgoni le e e tshwanang ya bosiamisi kwa Kgwatla-tshekelokgolo ya Boikuelo, Dikgotlatshekelokgolo le dikgotlatshekelo tse dinnye, nako le nako ka dipaka tse di tlhomameng, go sekaseka melwana e e leng teng ya kgotlatshekelo le, ka tetla ya Tona, go dira, go tlhabolola kgotsa go phimola melawana ya Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo, Dikgotlatshekelokgolo le dikgotlatshekelo tse di nnye tse di laolang -
i tlwaelo le thulaganyo mabapi le boikuelo-semolao litigation, go akaretsa nako le mokgwa o boikuelo bo tla dirwang ka one;
ii mokgwa, diteng le tiriso ya thulaganyo;
iii mokgwa le thulaganyo mabapi le tiro kgotsa thulaganyo kgotsa ditokomane tse dingwe, go akaretsa ntlha ya dipotsolotso;
iv tlwaelo le thulaganyo mabapi le thulaganyo ya tiragatso, go akaretsa makwalotaelo le dithebolelo;
v tlwaelo le thulaganyo mabapi le tshupelo ya ntlha nngwe le nngwe kwa go monetefatsi ka fa tlase ga karolo 19ibis ya Molao wa Kgotlatshekelo-kgolo, 1959 Molao 59 wa 1959, le tuelo e e tshwanetseng go duelwa monetefatsi wa go nna jalo;
vi tlhatlhobo e e patelesegang ka ngaka e e kwadisitsweng e le nngwe kgotsa go feta wa letlhakore lengwe le lengwe la dithulaganyo mo go lopiwang ditshenyegelo kgotsa phimolakeledi tebang le kgobalo ya mmele e go tweng e diregile, yo maemo a gagwe a boitekanelo a leng maleba tebang le tlhomamiso ya ditshenyegelo kgotsa phimolakeledi ya go nna jalo, gammogo le mokgwa, nako, lefelo le maikarabelo tebang le ditshnyegelo tsa tlhatlhobo, le go neela letlhakore le le ganetsang pegelo e e kwadilweng ka ga tlhatlhobo;
vii thulaganyo kwa kgotsa tebang le patlisiso nngwe le nngwe ka ga maemo a boitekanelo jwa tlhaloganyo a motho mongwe le mongwe, le diphitlhelelo kgotsa ditaelo tse di ka dirwang kgotsa tsa ntshiwa kwa patlisisong ya go nna jalo;
viii go supiwa le kamogelo ya bakomisinara go tsaya bosupi le go botsolotsa dipaki;
ix mokgwa o ditokomane tse di dirilweng kwa ntle ga Rephaboliki di ka netefadiwang ka teng go letla go ka ntshiwa ga tsona kgotsa go ka dirisiwa kwa kgotlatshekelo nngwe le nngwe kgotsa tsa tlhagisiwa kgotsa tsa bontshiwa kwa ofising nngwe le nngwe ya setšhaba mo Rephaboliking;
x go supiwa le kamogelo ya bafetoledi ba ba ikanisitsweng;
xi maikarabelo a dišerifi le batlhankedi bangwe ba kgotlatshekelo;
xii dituelelo le ditshenyegelo, go akaretsa dituelo tse di duelwang mabapi le tirelo kgotsa tsamaiso ya thulaganyo ntle le disaphina kgotsa ditaelo tsa kgolego tse di ntshitsweng ka kopo ya Puso mo mabakeng a bosenyi kgotsa tebang le pitso ya batho ba ba bileditsweng go araba dipotso tsa patlisiso;
xiii mokgwa wa go tlhomamisa seelo sa tshereletso mo kgetseng nngwe le nngwe fa go tlhokegang gore go tla tlamelwa tshireletso le sebopego le mokgwa o tshireletso ya go nna jalo e ka tlamelwang;
xiv diura tse diofisi tsa bakwadisi le ditlelereke tsa kgotlatshekelo di tla bulelwang mabaka a semmuso;
xv mokgwa wa go rekhotsa kgotsa go kwala bopaki le ditsamaiso;
xvi tlhokomelo le tshenyo ya direkhoto kgotsa metsotso ya bopaki le tsamaiso kwa Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo le Dikgotlatshekelo- kgolo;
xvii go supiwa ga balekanyetsi mo ditsamaisong kwa dikgotlatshekelo tse dinnye xviii kelo ya dituelo tse di lefisiwang ke babueledi, diagente le boraditlamano;
xix kgethiso ya ditshenyegelo le go boelwa ke ditshenyegelo;
xx ntlha nngwe le nngwe ka kakaretso e e ka tlhokegang kgotsa ya nna mosola go ka beelwa tsamaiso e e lolameng le tsamaiso ya ditiro tsa Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo, Dikgotlatshekelokgolo le dikgotlatshekelo tse di kwa tlase mo dithulaganyong tsa melatong ya selegae gammogo le ditsamaiso tsa bosenyi.
b Maatla a go dira, go tlhabolola kgotsa go phimola melawana jaaaka go bontshitswe mo temaneng ya (a) fa godimo, go akaretsa maatla a go dira, go tlhabolola, kgotsa go phimola melawana -
j go neela bokgoni jwa dikarolo 2 le 3 tsa Molao wa Bopaki jwa Dikgotlatshekelo tsa kwa Moseja, 1962 Molao 80 wa 1962; le ii) tebang le tiragatso ya Molao wa Taolelo ya Diatimirale, 1983 (Molao 105
wa 1983, o o laolelang tse di latelang:
aa go supiwa ga motho kgotsa mokgatlho mongwe le mongwe tebang le tshekatsheko ya dituelo le ditshenyegelo, le mokgwa o dituelo le ditshenyegelo tsa go nna jalo di tshwanetseng go sekasekiwa ka teng;
bb dikgato tse di lebisitseng kwa go tileng tsela e e dikolosang kgotsa ntsifalo ya dikgato;
cc mokgwa le thulaganyo ya go fetisetsa ntlha nngwe le nngwe e e tswang mo dithulaganyong tse di amanang le topo e e amanang le topotuelo ya inšorense, le go supiwa, tuelo le dithata tsa motsereganyi.
c Boto e ka nna ya eletsa Tona ka ga taolo ya ditšhelete tsa dikgotlatshekelo tse di nnye, tekanyetso ya ditshenyegelo tsa go ya kwa molaong le ntlha nngwe le nngwe e e fetisetswang kwa Botong ya Tona.
Bokwaledi jwa Boto
Boto e thusiwa mo tirong ya yona ke bokwaledi jwa leruri jo bo bopilweng ke batlhankedi ba Lefapha la Bosiamisi le Kgotlatshekelo ya Tlhabololo.
Bokwaledi bo sekaseka le go batlisisa ditshwaelo le ditlhagiso tebang le tlhabololo ya melawana, e dira dikwalo tsa tiro, e baakanya dipaakanyo tse di kwadilweng go neelwa Boto le dikomiti tsa yona, le go tlamela Boto ka ditirelo tsa tshegetso ya tsamaiso.
DINTLHA TSA TLHAELETSANO
Motlhankedi wa Tshedimosetso
Boto e supile Mokwaledi wa Boto, Moh E Steyn, jaaka motlhankedi wa tshedimosetso wa Boto.
Aterese ya Poso:
Mokwaledi
Aterese ya Mmila:
Dintlha tse dingwe tsa Tlhaeletsano
Mogala: 320 0493
Dinako tsa Tiro:
:30 go fitlha ka 12:15 le 13;00 go fitlha ka 16:30
PHITLHELELO YA REKHOTO YA BOTO
Direkhoto tsa Boto a Pholisi b Tsamaiso ya Boto ka Kakaretso c Maloko a Boto, Dikomiti le Bokwaledi d Manane le Metsotso ya dikopano tsa Boto e Manane le metsotso ya dikopano tsa dikomiti tsa Boto f Melawana ya Dikgotlatshekelo g Keletso go Tona h Dipegelo go Tona i Dikhasete tse dikopano di gatisitsweng mo go tsona j Dikwalololwa tsa dikopano tsa tsa Boto k Ditokomane tsa tiro le tshedimosetso e e mo khomphiutareng
Ditlhagiso ka boithapo go ya ka karolo 15 ya Molao wa Phitlhelelo ya
Tshedimosetso ke Setšhaba: Ga go sepe
Thulaganyo ya go kopa:
a Mokopi o tla letliwa go fitlhelela direkhoto tsa Boto fa a kgotsofatsa dithokego tsotlhe tsa thulaganyo tsa molao wa phitlhelelo ya Tshedimosetso ke Setšhaba, mme phitlhelelo ya rekhoto eo ga e kitla e ganiwa ka mabaka mangwe a go gana a a kailweng mo Molaong o.
b Mokopi o tshwanetse go dirisa Foromo A ya Melawana e e phasaladitsweng mo Kaseteng ya Mmuso No. 23119 ya 15 Tlhakole 2002. Diforomo di bonwa go tswa go motlhankedi wa tshedimosetso wa Boto.
c Fa mokopi a sa kgone go buisa kgotsa go kwala kgotsa a na le bogole bongwe, mokopi wa go nna jalo a ka dira kopo ka puo. Motlhankedi wa Tshedimosetso wa Boto o tla tlaletsa mokopi wa go nna jalo Foromo A, mme a neele mokopi wa go nna jalo khopi ya teng.
Dituelo:
Dituelo tse di batlegang di tlhagisitswe mo Melawaneng. Dintlha di bonwa fa o di kopa.
DITIRELO TSE DI NEELWANG SETŠHABA LE KA MOO DITIRELO TSA
GO NNA JALO DI KA FITLHELELWANG
Jaaka go kailwe fa godimo, Boto e filwe maikarabelo a tlhabololo ya melawana ya Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo, Dikgotlatshekelokgolo le dikgotlatshekelo tse dingwe tse dinnye (dikgotlatshekelo tsa bomagiseterata).
Ka jalo ditirelo tsa yona ga di fiwe setšhaba, fela e se ka tlhamalalo, ka go dira gore thulaganyo ya bosiamisi e fitlhelelwe ke badirisi. Setšhaba kgotsa mekgatlho e e nang le kgatlhego ba ka romela ditlhagiso tebang le tlhabololo ya melawana ya Boto go sekwasekwa.
GO NNA LE SEABE GA SETŠHABA MO GO TLHAMENG GA PHOLISI LE
TIRAGATSO YA DITHATA KGOTSA GO DIRA DITIRO KE BOTO
Setšhaba kgotsa maloko a ditlhopha tse di nang le kgatlhego ba ka dira ditlhagiso tse di kwadilweng, tse dinang le mabaka tebang le tlhabololo ya melawana ya kgotsatshekelo kwa Botong.
Ditlhagiso tsa go nna jalo di a batlisisiwa go latela kitsiso le thulaganyo ya tshwaelo, e ka yona ditshwaelo di kopiwang go tswa kwa go beng botlhe. Setšhaba kgotsa ditlhopha tse di amegang di itsisiwe ka ga kgatelopele kgotsa se a etelwa go bona ditshwaelo go ya pele ka ga ditlhagiso tsa sona. Fa go tlhokega, go tshwarwa dikopano le banni-le-seabe.
Ntlha e neelwa dikomiti tse di maleba tsa Boto go atlanegisa, mme morago di neelwa Boto e e feletseng go di sekaseka le go tsaya tshwetso. Setšhaba kgotsa ditlhopha tse di amegang di itsisiwe ka ga tshwetso ya Boto.
DIPAAKANYO TSE DI LENG TENG MABAPI LE DIKGATO KGOTSA GO
RETELELWA KE GO TSAYA DIKGATO GA BOTO
Boto ga e na dithulaganyo tsa boikuelo le dikgotlatshekelo di tla tshwanela ke go reediwa fa setlhopha se se amegang se batlang boikuelo mabapi le Boto kgotsa go retelelwa ga Boto go tsaya dikgato. Le gale, ga go sepe se se thibelang setlhopha sa go nna jalo go kopa Boto go sekaseka ditshwetso tsa yona.
TSHEDIMOSETSO E NNGWE E E KA TLHAGISIWANG
Ga jaanong ga go na tshedimosetso go ya ka karolo 92 go supiwa fa.
KAEDI YA TSHEDIMOSETSO YA GORE SETŠHABA SE FITLHELELA
JANG MOLAO WA TSHEDIMOSETSO
Go ya ka karolo ya bo 10 ya Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelo ya
Tshedimosetso, Khomišene ya ditshwanelo tsa Botho e tshwanetse go rulaganya kaedi e e tshotseng tshedimosetso ya go nna jalo ka dipuo tsotlhe, ka mokgwa o o tlhaloganyesegang le o o bonolo, jaaka o tlhokwa ke motho yo o batlang go diragatsa tshwanelo nngwe le nngwe e e kaiwang mo Molaong o.
Dipotso di ka lebisiwa kwa:
Mogala: 484 8300
Fekese: 484 1360
